Focus (Maize)									Tswana



Tsepamisomogopolo ya Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 



Instructions 

Folio Strap: Lenaneotlhabololo la Balemirui 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 

Grabber: Tlhabololo ke ya batho – ke ya sebele. 



Mo Aforikaborwa go na le bantshakuno ba bagwebi ba bantsi ba ba itseng go dira temothuo ya kgwebo, go ntsha sejalo sengwe le sengwe le go rua mofuta mongwe le mongwe wa leruo. Ga re tlhaele ka kitso ya gore re ja dira jang temothuo – se re se tlhokang ke phetisetso ya bokgoni le kitso kwa bantshakunong ba bantsho gore ba kgone go dira temothuo ka go itshegeletsa le go ikemela.



Dikgopelotheo tsa tlhabololo ya itshegeletso le tsa itshegeletso ya matshelo a kwa magaeng di akaretsa tsepamisomogopolo mo metswedithusong/dithoto tse motho ka sebele a nang natso le gore ka tsereganyo e e tshikintsweng, tiriso ya dithoto tse di setseng di le teng e ka okediwa jang. Dithoto tse di farologana – seloago, matlole, sebopego, tlhago le setho. Gore tlhabololo e e itshegeletse, e tshwanetse go agelela mo dithotong tse di gona, tse di dirisiwang ke batho go dira dijo le lotseno. Matshelo a a tokafetseng a tsala lotseno lo lontsi, pholo e e oketsegileng, koafalo e e fokotsegileng tshireletsego ya dijo e e tokafetseng le tiriso e e itshegeleditseng e ntsi ya metswedithuso ya tlhago. Tirego ya tlhabololo e e agelela mo dithateng le dithotong tse batho ba ka di fitlhelelang.



Dibako tsa sehumanego di a farologana fela go na le dintlhana tse di tshwanang mo modikong o o setlhogo o wa khumanego – lotseno lo lo kwa tlase, ntshokuno e e kwa tlase, botlhokakitso.



Tlhaelo ya kitso le thekenoloji ya segompieno

Batho ba ba humanegileng gantsi ba beelwa thoto mo thekenolojing ya segompieno le mekgwatiriso ya ntshokuno ya segompieno mme ba tswelela go dira dilo ka tsela ele ya segologolo fela ka ntlha ya gore ga ba bontshwe mekgwa (ditsela) e e botoka le ya segompieno ya go dira dilo. Gantsi go na le phetogo mme ba boifa se ba se itseng. Ba ka leka go amogela mekgwatiriso e e lekanyetsang mathata a thobo. Sekao ga ba ka ke ba lekelela sejalo se sešwa, gonne ba tshaba tatlhegelo ya tshireletsego ya dijo ya lelapa. Ka mananeo a rona a katiso le tlhabololo, re tlhoka go bontsha batho mekgwa e e botoka ya go dira dilo, fela go ntse go le jalo, re tlhoka go ba sireletsa mo go palelweng, ka gore go palelwa go ka ama tshireletsego ya dijo ya selelapa.



Dikgoreletsi tsa sebopego

Dikgoreletsi tsa sebopego di ka tswa di tshola batho ba humanegile, sekao: komelelo, disenyi, merwalela, themo ya dikgwa, phudisokgothego, kgogolego, seemo sa dikotla tsa mmu se se bokoa le botlha jwa mmu. Fa o humanegile ga o kgone go tsaya dikgalothibelo – o ka tswa o sa itse ka inšorense ya dijalo kgotsa o ka tswa o sa kgone go e fitlhelela. Fa matsubutsubu a sefako se se setlhogo a rathata masimo, dijalo di ka senngwa gotlhelele mme bantsakuno ba tlogelwa ba se na dijo.



Kgoreletso ya bothati

Re tshwanetse go gakologelwa gore batho ke motho ka sebele mme ba tshwanetse go laola botshelo jwa bona. Motho ka sebele o tshwanetse go matlafadiwa go tsaya ditshwetso ka, le go laola matshelo a ba bangwe. Tlhabololo nngwe le nngwe e tshwanetse go simolola kwa tlase. Batho ba ba yang go tswelwa mosola ba tshwanetse go tlhaloganya tsereganyo, ba batla kemonokeng, mme ba letetse go bona mosola. Mananeo le diporojeke tse di patelediwang di tla ka bathati di baka ikaego ka ditsereganyo go tswa kwa ntle.



Ikaego ya dinaga tse di humanegileng

fela fa re setse re tlhalogantse le go amogela gore motho mongwe le mongwe ka sebele, o rwala maikarabelo a botshelo jwa gagwe, mme re tlaa tlhaloganya gore “go direla batho” ga se tharabololo ya tlhabololo. Tlhabololo e e itshegeleditseng ka maatlafatso ya batho go ikemela. Dijo tse di abelwang batho di tlhola boikaegi, e bile tota di thibela batho go gola go boitlamedi le boikemelo.



Jewontsoma ke batlhalefi ba selegae 

Mo morafeng mongwe le mongwe, go tlaa nna go nna le batho ba ba mo maemong a bothati e bile go swabisa nko go feta molomo gore bao ba ba mo maemong a a botoka ba rwala maikarabelo a kgatelelo le jewontsoma ya batho ba ba humanegileng.



Dintlha tsa seikonomi

Go na le dintlha tsa seikonomi tse dintsi tse di farologaneng tse di tsholang batho ba humanegile, sekao, tlhaelo ya polokelo le kghepetlele, tlhaelo ya tseisomolato, tlhaelo ya batlhamakgwebo, tlhaelo ya bobolokelo, tlhaelo ya dithulusu le didiriso, infoleišene, thekisokopanelo, tlhaelo ya tlamelomatlole ya dijalo, ditlhotlhwa tsa montshakuno tse di kwa tlase, tlhaelo ya dirori le tlhaeletsano le ditlhotlhwa tsa dikuno tse di yang tlase le godimo.



Go na le diporofense dingwe mo nageng ya rona tse di batlang di nna bukathutiso ya thulo ya khumanego e e tseneletseng. Batho ba a tshelatshela, fela bas ala go nna ba humanegile, le mororo ba na le go fitlhelela metswedithuso ya tlhago e e humileng. Dikgaolo tse dikgolo tsa diporofense tse di na le mmu o o boteng, mogote o o lekaneng le dipula tse di lekaneng, go nna le ntshokuno ya dijalo e e siameng, ya dithoro le dipeo tsa oli. Fela le gale go na le dintlha tse dingwe di le mmalwa tse di kgoreletsang tswelelopele.



Khumanego, mmogo le koafalo e e tlhagisang, ka poifo ya tshireletsego ya dijo tsa selelapa. Batho ba boifa go fetoga gonne tota ba tshelatshela fela;

Tlhaelo ya mafaratlhatlha – bogolosegolo ditsela, difalana tsa polokelo ya dithoro le maomisetso a dithoro;

Tlhaelo ya didiriso tsa temothuo tse di siameng – diterekere, didiriso tsa tshugommu ya motheo, dipolantere, dikgatshi tsa “boom” dirobi le ditereilara;

Metswedi e e bokoa ya ditsenngwateng tsa temothuo;

Phitlhelelo e e lekanyeditsweng ya tseisomolato wa ntshokuno;

Phitlhelelo e e bokoa ya di mmaraka;

Theboleloditirelo e e bokoa ka mafapha a puso;

Boitshwaro jwa boikaegi (bo simolotswe ke puso ya maloba le thulaganyo ya dinagamagae le go tswelediwa ke dikema di tshwana le Massive Food Scheme sa Kapabotlhaba;

Tlhaelo ya kitso le bokgoni;

Tlhaelo ya batsewasekao – bantshakuno botlhe ke bantshakunopotlana kgotsa ba ba tshelatshelang; le 

Boikaego mo go borakonteraka ba temothuo ba ba oketsang mathata a ntshokuno ka tirelo e e bokoa, mme e oketse ditshenyegelo tsa ntshokuno.



Re le ba Lenaneotlhabololo la balemirui la Grain SA tsepamisomogopolo ya rona e mo ntshokunong ya mmidi. Potso e ka sala go nna – gore tsepamisomogopolo mo mmiding ga jaana. Mabaka ke a a latelang: 

Mmidi ke sejosegolo ka jalo ntshokuno e e tokafetseng e tshwaela mo tshireletsegong ya dijo ya selegae e bile go setse go ne le mmaraka wa mmidi o o siameng (go tswa go mmidi wa letšhotlho go ya dithorong).

Mmidi o ntshiwa ke bantshakuno ba selegae ka jalo go na le kgatlhego gammogo le kitso ya go agelela mo go yona.

Bontsi jwa mmidi bo dirisiwa mono gae, mme bobolokwa ke bantshakuno o le mo diakong – go efoga tlhokego ya thoro, komiso le poloko.

Mmidi ke sejalo se se motlhofo go se ntsha e bile bontsi jwa tiro bo ka dirwa ka diatla (fa tirisometšhine e se yo).

Fa go ka tshokane go ntse lefitiso la mmidi o ka dirisiwa ke lelapa lotlhe – batho dikgomo, dinku, dikoko, tota le dikolobe. Mmidi o o lekaneng lelapa lotlhe o tokafatso boleng jwa botshelo thatathata.



Go reng tlhabololo ya bantshakuno e tsaya lobaka jaana?

Ga go sepe se se bonolo ka temothuo, mme bantshakuno ba tsamaisa mabaka a a bophara fa ba tla ba ithwesa mathata a a boitshegang.

Ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tse di kwa godimo le ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa dithoro di ketefatsa thata kgonego ya go dira poelo go tswa ntshokunong ya dithoro e e ikaegileng ka pula mo dikarolong tse dintsi tsa Aforikaborwa.

Ditshenyegelo tsa semotšhine di a boitshega.

Bantshakuno ba bagwebi ba ba nang le maitemogelo ba a kgaratlha – jaanong bantshakuno ba ba tlhabologang bona? Bona ba a felelela!



Re dumela gore go dirang mo tlhabololong ya bantshakuno?

Bannaleseabe botlhe ba tshwanetse go dira ka botswapelo le go gabalalela go tlhabolola bantshakuno – temothuo e bogolo ka montshakuno go na le lefatshe.

Simolola ka dijalo tse di bonolo mme o tlhatlogela a iketlo kwa dijalong tse di nang le kgwetlho e kgolo.

Letla montshakuno go simolola ka se a nang naso – go simolola ka bonnye mo tshimong e nnye go babalesegile (Gakologelwa gore motho yo o batlang go dirisa lefdatshe le gagwe o ntse a tshelatshelaka lotseno lo a nang nalo go fitlha gajaana. Fa a ka kgona go dira poelo e nnye ks heketara mo lefatsheng le a nang nalo, ke madi a tlaleletso, a a ka bong a sa a bona. Ka go simolola go le gonnye le go lekanyetsa mathata, go dira se se siameg ka tshwanelo, montshakuno o ka gola mo kgonong le boitshepi).

Se pateletse montshakuno go dirisa rakonteraka, mme bogolo mo thuse go tlamela didiriso tsa gagwe le go dira ka se a ka se kgonang ka boena. Go ka nna botok mo montshakunong go hirisa lefatshe le a sa le diriseng, fa a golela mo kgwebong.

Go dirisa motataisi go manontlhontlho – fela motho yo o ga se mang le mang! Motataisi ke motho yo ka nnete a nang le kgatlhego ya tlhabololo mo motataisiweng, yo o tlaa nnang pelotelele le tshegetso. Tshwaragao motataisi le motataisiwa e tshwanetse go nna e bothitho tota – e thaetswe mo tsepamong le tlotlanong e bile go botlhokwa thata gore matlhakore ka bobedi a itumelele go nna mo tshwaraganong e gonne ke sona se e leng sona – tshwaragano. Kwa Kapabotlhaba go bokete go bona botataisi; gonne go le leuba la bantsakuno ba bagwebi ba pele kwa dikgaolong tsa magae. 

Tshola bantshakuno ba sedimoseditswe e bile ba na le seabe, mme o seka wa tsaya ditshwetso tse di amang kwa ntle ga bona – “se re direle sepe, o sa re rerisa”. 

Thusa bantshakuno go kontela tshekatsheko ya polase – masimo, diterekere, didiriso, metšhine, loruo, melato, dithoto, jj. tsa bona. Re tlhoka go thusa bantshakuno ka botlalo mme le bona ba tlhoka go tlhaloganya gore go buiwa ka eng tota. Sekao: gore montshakuno o na maatla a kwa a kae mme o kgona masimo a a kana kang ka kgono eo?

Netefatsa gore montshakuno ke karolo ya lenaneo la katiso le tlhabololo. Go nna montshakuno yo o feleletseng yo o kgonang wa mogwebi tirego ya pakatelele mme ditheo tse di farologaneng tse dintsi di ka tshwaela mo tiregong e.

